Dingwetsi Association of Botswana

Dingwetsi Association of Botswana
Let’s fight divorce,

29/03/2026

Are rapeleleng borre ba rona

Modimo o dirile nyalo gareng ga Monna Le Mosadi gore ba tshele ka kagiso .A mme malapa ana Le kagiso ,ha kagiso e seo mo...
18/03/2026

Modimo o dirile nyalo gareng ga Monna Le Mosadi gore ba tshele ka kagiso .

A mme malapa ana Le kagiso ,ha kagiso e seo mo lapeng go bakwa ke eng ,re tshwanetae go itsi gore mong wa nyalo a re go tshelwe ka kagiso ka jalo a malapa a nne Le kagiso.

Dingwetsi e itemogela ha mongwe wa bobedi Jo a tisa go thoka kagiso mo lapeng mme lelwapa Le felele Le se monate .A kagiso e nne teng banyalani .

Ngwetsi dirisana le matsalaogo omo neele tota ee mo tshwanetseng.Gothata eng go tshela Le matsalaago ka kagiso ,bangwe b...
06/02/2026

Ngwetsi dirisana le matsalaogo omo neele tota ee mo tshwanetseng.

Gothata eng go tshela Le matsalaago ka kagiso ,bangwe ba Goroga kwa go bo matsalaabone ba jele dipekere motho a thowa mosadi wa Modimo a sa mo raya sepe ,a monyatsa a lebale gore o bone lekolwane le ka mosadi yo. Bangwe ba bui bo matsale bo maswe le go mosotaka ha pele ga Monna wa gagwe a lebala gore o utusa Monna yo bothoko ,Matsale o utusiwa bothoko le go bifelwa ke ngwana yo a mogorositseng ka lorato ,ngwana yo a tsile go kgaoganya motho Le mmaagwe a lebala gore mosadi yo o godisitse rre yo ka tshokolo ..Bangwe ere ba Sena go ba kgaoganya Le botsadi ba ba phuaganye ba tise kutobothoko mo go bone.

Dingwetsi e itemogela ha bangwe ba iphethela bo matsale ba ba kgokgontshe ba supa ha banna ele ba bone ba ebala gore le ke lebele le le a musitseng e seng pampiri ..are toteng bo matsale jaaka re tota batsadi ba ba re tshotseng go dira jalo ke go neela Monna wa gago seriti.Ha o rata ebile o tota Monna wa gago o ta tota botsadi jwa gagwe.

Matsale le Ngwetsi ba tshwanetse go tshela mmogo ka kagiso.Matsale ga a tshwanela go lwa Le ngwetsi ya gagwe ,go moseba ...
29/01/2026

Matsale le Ngwetsi ba tshwanetse go tshela mmogo ka kagiso.

Matsale ga a tshwanela go lwa Le ngwetsi ya gagwe ,go moseba Le batho kana go tswela botshelo Jo ngwana wa gagwe a bo tshidisang mosadi wa gagwe, o tshwanetse gonna mme yo a lorato mo ngwetsing ya gago o mo ikatumetse o moneele lorato leo le neelang ngwana wa gago .ka gore ha o rata ngwana wa gago o ta rata ngwetsi ya gago.

Go monate gonna le motho yo a go thokomeletseng ngwana gonne ngwana wa mosimane o Bata letsogo la motho wa mme ,itsi gore ha o se teng jaaka mmaagwe mosadi o eme boemong jwa gago a re ba lebogeng re ba rotoetse mo malapeng a bone .

Dingwetsi e itemogela gore bangwe ba bomme ba ba nyetsweng ga ba tshidisa banna ba bone sente mo bo matsale ba felelang e kare ba thoile basadi ba bana ba bone.itsi gore matsalaago ke mmaago ka Monna wa gago se mmate letse a ka se go dineeleng a kagiso e nne teng mo lapeng.

Ngwaga o MoshaModimo a sireletse banyalani a ere ngwaga o wa 2026  banyalani ba tshwaragane ,ba ratane ba dire dilo mmog...
25/01/2026

Ngwaga o Mosha

Modimo a sireletse banyalani a ere ngwaga o wa 2026 banyalani ba tshwaragane ,ba ratane ba dire dilo mmogo. A go senne ope yo a ikgogelang kwa thoko a go nne Le tirisano le neelano mo malapeng

Dingwetsi e tshwenyegile thata ka Malwapa aa sa robalelweng ke dithokwa batho ba nna mmogo mme ba sa tshwaragane tota ke mathaabisa dithong

A re haneng nako rele banyalaniMalwapa a le mantsi a sulafatswa a bo a sengwe ke go thoka go neela Monna kana Mosadi wa ...
18/12/2025

A re haneng nako rele banyalani

Malwapa a le mantsi a sulafatswa a bo a sengwe ke go thoka go neela Monna kana Mosadi wa gago nako ya go nna le ene Le tsaya dikgang ,motho o nna a tabogile fela a le busy o bo o thoke yo o buang le ene golo mo go tisa bohutsana ,o fitlhela Monna kana Mosadi koloi ya gagwe e nna ka go duma fela go Sena tsatsi le go nnwang fela ha hatshe go tsewa dikgang ,go dirwa mananeo a lelwapa ka baka la gore mongwe wa banyalani ene ga ana nako ya lelwapa,ha gonna le puisano keha go omanwa fela .Komano ga se yone puisano e Modimo a le ekopanyeditseng.

Dingwetsi e kopa gore banyalani e nne ditsala go dira jalo ba ka nna le puisano ee siameng . Dingwetsi e Lemoga gore bontsi jwa banyalani ga bana nako ya bone ya go seka seka dilo tsa lelwapa ,ga bana nako ya gonna fa fatshe mmogo mme golo mo go felele go sulafaditse lelwapa .

A re toteng nyalo.Nyalo e siame ,nyalo e bothokwa bothata ke go sa e tota .Modimo o dirile nyalo e siame a e dira e sire...
15/12/2025

A re toteng nyalo.

Nyalo e siame ,nyalo e bothokwa bothata ke go sa e tota .Modimo o dirile nyalo e siame a e dira e sireletsegile a e direla bobedi Jo eleng Monna le Mosadi .Bothata e ntse gore bobedi bo ile ba latlhegelwa ke go tota nyalo .

Monna le Mosadi ba itirela fela mo nyalong mme ba lebale maikano a bone ba latlhegelwe ke tsela ka go nna le bothoka tsebe mo nyalong ba swabiso Modimo mo maitekong a gagwe a go tisa tshireletsego mo nyalong.
Banyalani itshwareng sente sireletsang seriti sa nyalo ,are itseeng motlhala Lesang go goga goga seriti sa nyalo.

09/12/2025

Bogale ke jwa eng o le molato .

Banyalani go palang gore intshwarele ke molato ,o fitlhela motho wa teng a tetse ka bogale a ntse a itsi gore o molato ,asa kgathale ka maikuto a yo mongwe. golo mo go thuba lelwapa go senya kagiso mo lapeng ,banyalani emisang go itatola kana go tala ka bogale ha o diretse yo mongwe phoso.

Dingwetsi e itemogela gore bangwe ba dira melato ba ikantse go tshosetsa ka go Tala bogale go dira jalo go didimatse mo ngongoregi a tswelele mo kutobothokong ka a tshaba go galefelelwa .Emisang go dira jalo o babalele maikuto a yo o nyalaneng le ene.

Se ikutswelengBanyalani Lesang go utswa mo malapeng a lona ,o kgona gonna Le Monna kana Mosadi wa legodu motho a ikutswe...
04/12/2025

Se ikutsweleng

Banyalani Lesang go utswa mo malapeng a lona ,o kgona gonna Le Monna kana Mosadi wa legodu motho a ikutswela mo lapeng lelwapa Le sale Le sotega ka baka la legodu le.A re itshekatshekeng go bona gore bogodu ga bo reise gope ,bo tisa mathotapelo

A re rapeleleng banyalani ba ba ikutswelang gore lapa lete le tshele ka kagiso ,ka gore yo onang Le ene ha asa emesi go utswa tshotego ha ena go fela molapeng ,bana ba ta lala letala ,Le ta thoka ha le bayang thogo teng ka baka la legodu .

Dingwetsi e Lemoga ha malwapa a tshelela mo lehumeng ka baka la gore mongwe wa banyalani ke legodu o tsweletse ka go utswa dithoto mo lapeng ,are rapeleleng malwapa a rona a segofatswe ka bobedi Jo bo nonofileng mo nyalong e seng legodu.

Mongwe ene o dira gore lelwapa Le sulafale ,ekatswa ele Monna kana Mosadi.Gole Gantsi Mongwe wa banyalani ke ene atisang...
01/12/2025

Mongwe ene o dira gore lelwapa Le sulafale ,ekatswa ele Monna kana Mosadi.

Gole Gantsi Mongwe wa banyalani ke ene atisang dikgoberego , dintwa Le mathata mo lapeng ,tota mme ke mang yo a tetseng pheretho mo lapeng ,a ke Monna kana ke Mosadi .

Dingwetsi e Lemoga ha mongwe ene a sa bate kagiso ka jalo lelapa le tale ka pherethego bakeng la motho a le mongwe ,kopo ke gore a banyalani ba itshike tsheke mme modiraphoso a ipaakanye lelwapa lenne ka kagiso

Go bothokwa go rapelela Malwapa a rona .A re emeng ka dinao go rapelela Malwapa a nyalo gonne mmaba o a tsentse leitho k...
21/11/2025

Go bothokwa go rapelela Malwapa a rona .

A re emeng ka dinao go rapelela Malwapa a nyalo gonne mmaba o a tsentse leitho ka jalo re tshwanetse go ya ka mangole ,monna le mosadi ba kopanele thapelo go tswala dikgoro tsotlhe tse mmaba a ka lekang go tsena ka tsone .

Dingwetsi e Lemoga gore ha monna le mosadi ba tshwaragane lelwapa Le ka babalesega.

Address

Gaborone

Telephone

+26776138031

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Dingwetsi Association of Botswana posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Contact The Organization

Send a message to Dingwetsi Association of Botswana:

Share