27/08/2026
E tla are mo bekeng e e latelang ke nne le puisanyo le ba Lesedi Television. Setlhogo ke kago sesha ya magolegwa, poelo ya bone mo sechabeng le seabe same mo sechabeng jaaka motshwarwa wa pele yo o fetotseng ditiro.
Maikutlo ame a nthaya are se ke monyetla wame wa go thathologa jaaka tlhale o tshotswe ke nkwatle . Go bitsa garawe garawe, mme e se go kgoba kgotsa go sotla lephata, e le go tsibosa sechaba le go matshwenyego a a golang le malatsi go bona ngwana wa mosimane a jewa ke bodiba bo neng bo re jele,go sena tharabololo , bogolo jang ngwana wa mosimane yo ene a akanyang gore gongwe ka borukutlhi le ditagi o tlaa atlega mo botshelong jo. Yo bo mmata ba ba setseng ba kile ba tshwarwa ba ya kgolegelong ba mo akeditseng bare kgolegelo ga e lefifi jaaka re godile re utlwa. Ke ya go supa gore ebile nnete ke gore e lefifi go feta jaaka re rutilwe.
Poisanyo e, e tlhoka go lebelelwa thata bogolo jang ke bana ba lona. E tlhoka go lebelelwa bogolo jang ke botsadi jwa bana le bogogi jwa lefatshe, jwa dikgolegelo. Eseng gore ke mongwe yo a botlhokwa ka sepe, mme e le gore se ke tlaa se buang ga se selo modiro se buiwa . Ke phitlhela kgomo ya serotswana.
Ke tlaa dirisa sekai sa botshelo jwame ko kgolegelong le morago ga yone. Ke tlaa dirisa gape sekai sa ga Mpho yo o batliwang ke Mapodise mabapi le polao ya bobedi ya motho ko Thamaga. Mo puisanyong eo monana o tlaa ithuta gore di tla morago tsa ditshwetso tsa motho di mo setse morago. Gore monana ga gona ope yo a tla tlang go mo inola mo bothateng jo a lebaganeng le jone fa e se ene ka sebele. Lelwapa le tikologoo di tlaa ithuta gore di na le seabe mo botshelong jwa ngwana wa mosimane, eseng fela fa a dira bontle mo botshelong, le fa a fetoga sera, ke ntse ke ene ngwana wa bone. Ko bofelong batho ba tla ithuta gore phetogo e a tshela, ebile e bula dikgoro tse disha. Jaaka lo tlaabo lo ntheeditse, lo ntebeletse, lo tlaa lemoga sengwe se sesha. Phetogo e tlhoka kamogelo le kemonokeng. Maiteko a tlhoka go lemogiwa. Nnete e tlhoka go seegelwa tsebe ka jaana e golola.
Se gape e tlaa nna monyetla wa go leboga le go ngoka barotloetsi ba ba nang le kgatlhego mo phetogong ya motho. Go ba lemotsha gore ka kemo nokeng ya bone, ke iphitlhela ke le Rre yo o pharologanyo mo go yo o boileng ngwaga tse lesome le bobedi tse di fitileng. Ka bone ke ithutile, ke dirile diphoso jaaka motho, mme ba ne ba sa nkgatela monwana. Ke dira dilo botoka gobane ke lemoga gore ke rwele sekano sa bone le nna gope fela ko ke teng. Ka thuso ya bone ke a fola, ke dira dilo botoka ebile ke lemoga mosola le botlhokwa jwame.