10/04/2026
Dumelang.
Morafe wa motse wa Bonwapitse o lalediwa phuthego e tla tshwarwang mo kgotleng ya Bonwapitse ka 7:30 mo mosong ka di 13 April 2026. Phuthego ke mabapi le go kopana le bogogi ja motse le VDC go tla go baakanyetsa phuthego e tla re ka 2:00pm e bo e tsena mo kgotleng ya Bonwapitse gone ka di 13 April 2026 e tla buisiwang ke ba khansele ya Mahalapye. Bokopano ja maphakela bo bothokwa thata ka ke jo go tla b**g go tla go akantshanwa ka di project tse di ka dirwang ke lenaneo la Ikageng le le tshwanetseng go simolola le emetse la Ipelegeng . Morafe o kopiwa go tla ka bontsi go tla go ikutlwela ka lenaneo le le diphetogo tse disha tse di teng mo ditirelong tsa khansele ya Mahalapye District. Ka tswee tswee gorosang molaetsa mo go ba babangwe ba Seka ba fetwa ke dikgang tse di bothokwa.
Megopolo e e ka baakanngwang mo go ya Ikageng
Palo ya babereki ba ba ka firwang.
Income generation Projects
-maintenance projects
-Agricultural projects
-eco tourism projects
Le tse dingwe tse di ka tlhamang ditiro tsa sennela ruri.
A re teng re baakantse megopolo.
Ke a leboga.