Hon Cllr K Charles & the Community He Serves

Hon Cllr K Charles & the Community He Serves COMMUNITY SERVICE

24/12/2025
08/08/2025

"Mathangwane e setse e le boremelelo jwa magodu"

Se se builwe ke Kgosi Itekeng Mathangwane fa a ne a buisa morafe wa gagwe mo motseng wa Mathangwane maabane mo mosong (07/08/2025).O tlhalositse gore magodu a, a tsaya di cable tsa motlakase le go thuba dikoloi. Go lwantsha bogodu jo, Kgosi Mathangwane o dirile mophato wa borre ba ba tsamayang bosigo le motshegare ba na le ba sepodisi. E re le ntswa mophato o, o tsweletse ka go dira sentle, Kgosi Mathangwane o tlhaloseditse morafe gore go diphatsa bogolo jang bosigo jalo mophato o tlhokana le kemonokeng ya morafe otlhe.Kgosi Mathagwane o ne a tswelela a lemotsha morafe wa gagwe ka go sa tlhokomela mabitla a tlhalosa fa leruo le tlhola mo teng. O ne a kopa morafe gore ka Labotlhano (08/08/2025) o ye go phephafatsa mabatla ka a se mo selebegong se se itumedisang. Mo go tse dingwe o kgadile a sa kgale matlhe ka dikgwebo tse di lalang di letsa bosigo jotlhe di sa tswale mme a kopa Dikgosi tsa dikgotlana go kgalema dikgwebo tse di dirang jalo.

31/07/2025

Dumilani ne zina la Shee Jeso.

Setshaba sa Mathangwane se lalediwa phuthego ya kgotla e e tlaabong e buisiwa ke Kgosi Itekeng Mathangwane a lekola morafe wa gagwe ka malatsi a a latelang:

Letsatsi: 07/08/2025
Lefelo: Mathangwane Main Kgotla
Nako: 0800hrs

Morafe o kopiwa go tla ka bontsi le ka nako e e boletsweng.

ke a leboga..
Tlholang le Modimo

KITSISO!!!!!!Young Woman of Africa mo  Mathangwane, ba tlaabo ba apeile le go rekisa dijo tsa setswana go simolola ka na...
25/07/2025

KITSISO!!!!!!

Young Woman of Africa mo Mathangwane, ba tlaabo ba apeile le go rekisa dijo tsa setswana go simolola ka nako ya 0900hrs mo mosong ka di 26/7/2025.

Venue: Open Space gaufile shop ya ga Ghau..

KITSISO THEKO YA DIHUTSHANE KA DI : 30/06/2025 GO EMA KA DI 01/07/2025 GO SIMOLOLA KA 0900HRS
24/06/2025

KITSISO

THEKO YA DIHUTSHANE KA DI :

30/06/2025 GO EMA KA DI 01/07/2025

GO SIMOLOLA KA 0900HRS

KITSISO/ WATER SUPPLY INTERRUPTIONS
23/06/2025

KITSISO/ WATER SUPPLY INTERRUPTIONS

KITSISOMadume ka leina la ga Kgosi JesoMpatane Primary School e tlaabo e tshwere moletlo wa kalogo (pre-school graduatio...
18/06/2025

KITSISO

Madume ka leina la ga Kgosi Jeso

Mpatane Primary School e tlaabo e tshwere moletlo wa kalogo (pre-school graduation) le kabo dietsele (Prize giving) ka di 31/10/2025.

Keletso ke gore botlhe banni ba Mathangwane le ba ba tseneng sekolo mo Mpatane Primary School re rotloetse moletlo o ka go ntsha madi a a kanang ka P20.00 go ya ko godimo kgwedi le kgwedi go simolola ka June. Group ya Whatsapp e setse e butswe.

Go tsaya karolo ga rona go ka dira pharologanyo e kgolo.

Ke a leboga

Follow this link to join my WhatsApp group:

WhatsApp Group Invite

Dikgaolo di tla akola lenaneo la Bonno Housing Scheme...Se se builwe ke Mopalamente wa Shashe West,Motlotlegi Jeramiah J...
03/06/2025

Dikgaolo di tla akola lenaneo la Bonno Housing Scheme...

Se se builwe ke Mopalamente wa Shashe West,Motlotlegi Jeramiah Jerry Frenzel fa a buisa phuthego ya kgotla mo motseng wa Mathangwane. O tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a na le tshiamelo ya go ka ikopela go agelwa kgotsa go tokafatsa bonno jwa gagwe ka lenaneo le. Motswana mongwe le mongwe yo o nang le keletso ya lenaneo le, o tshwanetse a bo a le dingwaga tse di lesome le boferabobedi (18 & above) gape a amogelang madi go simolola ka P1000.00 ka kgwedi kgotsa P12,0000.00 ka ngwaga. Motlotlegi Rre Frenzel o tlhalositse fa kgaolo nngwe le nngwe e abelwa mantlo a Bonno Housing Scheme a le 1000 mme a tlaa kgaoganngwa ka metse e e mo Kgaolong. O tlhalositse fa madi a Bonno Housing Scheme a duelwa mo ngwageng tse di masome mabedi(20years) go sena morokotso.
O ne a tlhalosa ka ditlhabololo tse di tsweletseng mo Mathangwane jaaka Mmolo wa Chopies,Chamabona(boarding facilities project) e e leng mo go 69%,tsela ya Mathangwane/Mandunyane e e leng mo go 52%,Francistown/Nata e e leng mo go 19%.

Dumelang BatsadiKITSISO!!!!Ba lephata la office ya Omang ba tlaabo ba le mo motseng wa rona wa Mathangwane ka di 02/06/2...
22/05/2025

Dumelang Batsadi

KITSISO!!!!

Ba lephata la office ya Omang ba tlaabo ba le mo motseng wa rona wa Mathangwane ka di 02/06/2025 go simolola ka nako ya 0800-1630 ko kgotleng e tona.

Morafe o kopiwa go phatalatsa molaetsa o.

Ndaboka Bazwadzi Bangu

Good day..Brigades and Technical Colleges Application Forms are available at:Mathangwane Main Kgotla &Mpatane at Pindana...
15/05/2025

Good day..

Brigades and Technical Colleges Application Forms are available at:

Mathangwane Main Kgotla &

Mpatane at Pindanami Tuckshop/Killer's Internet Cafe

CLOSING DATE: 30/05/2025

Banana a re diriseng sebaka se go ithuta ditiro tsa diatla.

Tlholang le Modimo.

TALETSO PHUTHEGO YA KGOTLA KAMOSOMorafe o laletswa phuthego ya kgotla e e tlaabong e buisiwa ke Modulasetilo wa Kgaolo y...
29/04/2025

TALETSO PHUTHEGO YA KGOTLA KAMOSO

Morafe o laletswa phuthego ya kgotla e e tlaabong e buisiwa ke Modulasetilo wa Kgaolo ya Tonota Hon Sefume ka nako ya boferabongwe (0900hrs) mo mosong.

Setshaba se kopiwa go tla ka bontsi le ka nako e e beilweng.

Ke a leboga gape ke kopa maitsharelo ka molaetsa o tile thari (late).

A tshireletso le masego a Modimo a nne le rona rotlhe

Address

P O Box 190 Mathangwane
Francistown

Telephone

+26777167649

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Hon Cllr K Charles & the Community He Serves posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Share